Category: Dikgang

  • Letsatsi le Tlhabetse Bomme ba Sepako

    Letsatsi le Tlhabetse Bomme ba Sepako

    Mokgatlho wa Dingaka tsa Malapa (Botswana Association of Family Physicians) o tlaa etela bomme ba kwa Sepako kgwedi eno e le 20, go ba tlhatlhobela le go tsibosa ka kankere ya molomo wa popelo, gammogo le go thusa ka tsa botsogo ntle le tuelo epe.

    Dr Keneilwe Motlhatlhedi go tswa kwa mokgatlhong oo, o tlhaloseditse BOPA fa kankere ya molomo wa popelo e le nngwe ya dikankere tse di bakang dintsho mo Botswana, selo se a reng se utlusa botlhoko ka gore e ka thibelwa le go alafiwa fa e lemogwa ka nako.

    A re bontsi jwa bomme kwa magaeng ba bona thuso morago ga nako ka ntata ya go tlhaela kitso ka bolwetsi jo, le go tlhoka go etela bongaka go itekodisa le fa motho a sa lwale. O tlhalositse fa bomme ba ba dirang mo lekaleng la booki ba ithophetse go dirisa nako le bokgoni jwa bone go thusa bomme ba Sepako, kwa kgaolong ya Nata, mo kgweding eno ya bomme.

    Dr Motlhatlhedi o supile fa setlhopha sa baithaopi mo thulaganyong e se tlaa goroga kwa Sepako Mopitlo a le lesome le boferabobedi, go rulaganyetsa tiro e. A re bomme ba tlaa tlhatlhobelwa kankere ya molomo wa popelo mahala, go akarediwa le Pap smear. Go tsweng foo, a re ba tlaa romelwa kwa mafelong a mangwe a kalafi go ya ka maduo a bone.

    “Re tlaa ba fa thuto ya tsa boitekanelo, e e tlaa akaretsang tlhathobo ya madi a matona le sukiri mo mading,” Dr Motlhatlhedi a tlhalosa a bo a tlatsa ka gore, bomme ba tlaa fiwa kitso ka go tlhokomela boitekanelo jwa bone.

    Lenaneo la tiro e, le tlaa akaretsa thuto ka phetogo ya loapi le kafa e amang botsogo ka teng. Go ya ka Dr Motlhatlhedi, go gotela ga loapi go baka mathata a mantsi a botsogo mme gape go ama temo-thuo le matshelo a batho ka go farologana. O supile fa lefatshe leno le itemogela mogote o o feteletseng le dipula tse dintsi, diphetogo tse di tsalang malwetsi. A re pula e baka monang, o o anamisang bolwetsi jwa Malaria.

    “Ka jalo go botlhokwa go ruta batho ka ditlamorago tsa go fetoga ya loapi,” Dr Motlhatlhedi a supa.

    O supile fa bomme ba tlaa abelwa dipeo tsa ditlhare gore ba di leme kwa malwapeng a bone, mme gape ba tlaa lema ditlhare kwa sekoleng sa motse, kgotla le kwa kokelwaneng, go thusa go fokotsa ditlamorago tsa phetogo ya loapi. Dr Motlhatlhedi o kopile badiri ba tsa botsogo ba bangwe go dirisana le bone go ruta bomme ka malwetsi a a ba amang le go atolosa ditirelo tsa tlhatlhobo ya molomo wa popelo.

    Go ya ka pego ya bosheng, modulasetilo wa Mokgatlho wa Dingaka tsa Malapa, Dr Claire Brockbank, o kaile fa mokgatlho o itumelela go tshegetsa lenaneo le, le setlhogo sa letsatsi la mafatshefatshe le reng: Give to Gain, se se rotloetsa go abelana le tirisanommogo.

    Dr Brockbank o akgotse Dr Kesegofetse Chabaesele, go simolola lenaneo la go isa ditlamelo tsa booki kwa setshabeng, le go tsamaya le setlhopha sa dingaka le baoki ba ba nang le maikaelelo a a tshwanang go ya go abelana nako le kitso ya bone le kwa magaeng.

    Dr Brockbank a re o lemogile gore fa e sa le ka 2015, lefatshe leno le simolodisitse go neela basetsana ba dikole mokento wa Human Papillomavirus (HPV), a re kgato e, e dirwa go fokotsa kankere ya molomo wa popelo mo dikokomaneng tse di tlang.

    O kgothaditse bomme ba dingwaga tse di masome mabedi le botlhano le go feta, go nna ba itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo, ka e le tsela e e ka thusang go lemoga diphetogo tsa ntlha tsa kankere le go thibela dintsho tse di bakwang ke bolwetsi.

    A re lenaneo la go lema ditlhare ke go tokafatsa matshelo a bone mo tikologong e ba tshelelang mo go yone pele ga bokopano jwa World Organisation of Family Doctors (WONCA) Africa 2026, jo bo tlaa tshwarelwang mono Gaborone ka Lwetse. O laleditse mekgatlho ka go farologana go thusa go tokafatsa botsogo jwa bomme le go boloka matshelo a batho. 

  • Mapodisi a Boloditse Letsholo la Ipabalelo Tseleng

    Mapodisi a Boloditse Letsholo la Ipabalelo Tseleng

    Lekalana la pharakano la sepodise sa Tsabong le simolodisitse letsholo la ipabalelo tseleng ka go tsamaya le dikereke le gasa molaetsa wa go re dikereke di ipaakanye go sale nako, pele di tsaya mesepele e metelele.

    Mo potsolosong, mookamela mapodisi a pharakano mo kgaolong ya Kgalagadi, Superintendent Ruben Ramoleele a re ba simolotse letsholo la go gakolola diphuthego tsa dikereke ka go farologana ka bomosola jwa go ipabalela mo tseleng le go tlhomamisa gore malwapa le dithoto tsa bone di sala di sireletsegile.

    Supt Ramoleele a re ba itemogetse botlhokwa jwa go buisana le baeteledipele ba dikereke go baakanyetsa mesepele ka nako le go tlhomamisa gore ba tsamaya ka dikoloi tse di itekanetseng e bile di kgweetswa ke bakgweetsi ba ba nang le diteseletso tsa go kgweetsa setshaba go fokotsa dikotsi tsa tsela.

    A re go botlhokwa go obamela matshwao le melawana ya tsela, go tlotla badirisi ba bangwe ba tsela le go pega merwalo e lekanetseng. Moruti Alice Masanako wa kereke ya Eloyi a re boeteledipele jwa dikereke bo lebogela dikgakololo tsa sepodisi.

    Moruti Masanako a re mapodisi ba itlamile go tshwaragana le setshaba go fokotsa dikotsi tse di gapang matshelo a batho ka malatsi a Paseka.

  • Mogokgo o Tshwenngwa ke Tshenyo ya Didirisiwa mo Sekoleng

    Mogokgo o Tshwenngwa ke Tshenyo ya Didirisiwa mo Sekoleng

    Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lotsane kwa Palapye, Rre Watson Basoli a re o tshwenngwa ke tshenyo ya didirisiwa tsa sekole e e dirwang ke baithuti.

    O ne a ntsha matshwenyego a ka Mosupologo mo bokopanong jwa komiti ya batsadi le barutabana jo maikaelelo a jone e neng e le go tsibosa batsadi ba baithuti ba ba simololang lekwalo la bone ka tsamaiso ya sekole.

    Rre Basoli a re e ne ya re mo ngwageng o o fetileng, sekole sa Lotsane sa amogela ditilo tsa baithuti di le makgolo a mane, mme yare mo nakong e khutshwane sephatlo sa ditilo tseo sa bo se setse se sentswe ke baithuti ka go sa di diriseng sentle.

    Ka jalo, Rre Basoli a re se se a tshwenya ka sekole se dira ka bojotlhe go tsibosa baithuti le go ba ruta gore ba tshware didirisiwa tsa sekole jang mme go supagala fa seemo seo se sa fetoge ka baithuti bangwe ba tsweletse ka tshenyo e. 

    Ka jalo o kopile batsadi go thusanya le sekole go kgalema bana go tswa kwa malwapeng.Rre Basoli o tsweletse a supa fa go na le baithuti bangwe ba ba utswelang ba bangwe mo sekoleng mme bangwe ba utswa dibeke tse ba tsenyang dibuka mo teng ga mmogo le tsone dibuka.

    Mogoko a re e le sekole, ba itemogetse fa go na le dintwa tsa ditlhopha tsa baithuti, mme go supagala di simologile kwa dikoleng tse ba neng ba dira lokwalo la borato teng.  A re sekole se tla a dira ka bojotlhe go sireletsa baithuti ba bangwe mo go ba ba dirang jalo ka go ba tseela dikgato tse di maleba. 

    O kopile batsadi go ela tlhoko mo bana ba tsenyang dibuka teng fa ba tsena kwa malwapeng ka go nna ba leba gore ba tsentse eng mo go tsone ka bangwe ba tsenya dingwe tse di borai. O tsweletse a supa fa moithuti a sa tshwanela go tla ka dilo tse di bogale mo sekoleng di tshwana le dithipa, mme fa a ka fitlhelwa ka tsone, o tla a tseelwa dikgato mme a felele a seegetswe fa thoko ka wa bo a le borai. 

    A re ga go na fa baithuti ba dirisang thipa teng mo dithutong tsa bone e bile ga go na lebaka la gore moithuti a tsamae ka yone. O kopile batsadi go tsenya bana ba bone mo tseleng, a re go dira jalo, go ka nolofatsa tiro ya barutabana. 

    A re batsadi ga ba a tshwanela go palelwa ke bana kana go laolwa ke bana. O lemotshitse batsadi gore go dira sentle ga moithuti go tsamaelana thata le boitshwaro jwa gagwe, a supa fa boitsholo jo bo siameng jwa ngwana bo mo fa sebaka sa go reetsa.

    Rre Basoli a re ntswa sekole sa Lotsane se ageletswe ka terata, ba itemogetse gore go nale bangwe batho ba ba phunyang terata eo, gore ba ralale sekole. A re fa dikole ditswalwa ngwaga e e fetileng, ba ne ba dira maiteko a go tswala diphatlha tseo, mme ya re mo letsatsing le le latelang ba fitlhela terata eo e phuntswe gape.

    A re se se supa fa batsadi bangwe mo motseng e le bone ba butseng diphatlha tseo maikaelelo e le go ralala sekole ka di ne di thibilwe baithuti ba seyo.  Rre Basoli a re mokgwa o ga o a siama ka sekole se leka go laola metsamao ya baithuti mme bangwe mo motseng ba kgoreletsa maiteko a, a ba a kopa gore ba ba dirang jalo ba emise ka ponyo ya leitlho.

    O ile a supa gore fa moithuti mongwe a ka dirisa diphatlha tseo go tsena mo sekoleng, motsadi o tla a bitswa mme e nne ene a tla a ntshang madi a go baakanya terata ka moithuti yoo e tlaabo e le ene a tshwerwe a tsena ka yone. 

    A re go na le dikgoro mo sekoleng mme go rotloediwa baithuti go di dirisa. Mo go tse dingwe Rre Basoli o ne a re sekole se itlamile gore se tla a tswelela se ntsha maduo a a kwa godimo ka boineelo, mme ntleng ya tshwaragano ya bone le batsadi, sekole se ka seka sa kgona.