Category: Dikgang

  • Go Latlha Ngwao ga se Tlhabologo

    Go Latlha Ngwao ga se Tlhabologo

    Le mororo Batswana bangwe ba ikamantse thata le sesha le tlhabologo, bangwe jaaka Mme Opelang Nnanaakoko wa Molepolole ba santse ba ikaegile ka segagabo, se ba leng motlotlo thata ka sone.

    Mme Nnanaakoko a re go tshegetsa ngwao go mo dira pelotshweu ka e le selo se se sa mo tlhabiseng ditlhong.

    O dumela gore tlhabologo ga se go phuaganya ngwao mme ke motshelakgabo wa go ananya dingwao tsa ma-Aforika le tsa batho basweu.

    Mme Nnanaakoko, yo o dingwaga tse di masome a supa le bosupa a re fa a gola kwa masimong a Sehatlhane, o tlhalefile a fitlhela ntatemogoloagwe e le moroki yo mogolo wa disigo, fa nkukuagwe le batsalwa-le-mmaagwe e ne e ne e le baroki ba diaparo tsa setso le didirisiwa tsa mo ntlong.

    “Rremogolo e ne e le moroki wa disigo tse di kgolo, tse di agelwang mapakwana kgotsa serala gore di tlhongwe mo godimo ga sone. Serala se se ne se tshegetsa sesigo fa thobo e boloketswe mo go sone,” ga tlhalosa Mme Nnanaakoko..

    A re bonkukuagwe bone e ne e le ditswerere tsa go loga ditlatlana mme e bile gape ba rokela basetsanyana makgabe fa basimanyana bone ba ne ba ba direla ditshega.

    “E ne e re fa o ile kwa ga mmangwaneago o ile go mmelegela ngwana, o tlaabo a go otlhela makgabe o bo o itumela ka gore ka nako ya rona go ne go sena mokgabo,” ga bua jalo Mme Nnanaakoko.

    A re makgabe fa a sena go logwa, a ne a tshasiwa mafura a kgomo a bo a anegiwa mme e re maitseboa, mafura a sena go tsenelela mo go one go tlaa bo go ribegwa pitsa makgabe a bo a gotlhwa mo go yone gore a nne mantsho.

    Mme Nnanaakoko a re gompieno fa a dira makgabe o tshasa setlolo sa baselini ka gore mo metlheng eno mafura a kgomo a thata go bonwa. A re o dira gape diphaeyana, mateitshe, ditshega le makgabe a borankana

    “Ke roka mateitshi ka seatla fela mme a nna mantle go gaisa le baroki bangwe ba ba dirisang motshini o o rokang,” a bua a supa jeremane e e neng o kare e segetswe mo ngwana wa ngwaneng wa gagwe.

    A re ke mme wa dikitsokitso ka ebile gape o kgona go dira lebati la setso le le bidiwang setlatla mme gape a loga le ditlatlana. O ile a tlhalosa ka gore fa ba loga sika loo-tlatlana ba dirisa letlhokwa la motshikiri le moretlwa.

    “Moretlwa o, o kgetla matswele o bo o a baakanya ka thipana,” a bua jalo. A re sebe sa phiri ke gore majang a a maleba a nyeletse kgotsa a le teng mme a bonwa kgakala, ka jalo go se bonolo go ka a bona.

    Le fa ntswa a loga dilo tse dintlenyane jaana, mme e bile a ikokeditse kitso ka go loga disigonyana tse gongwe motho a ka di dirisang jaaka mmanki wa diaparo, a re kgatlhego ya gagwe ga se go oba letsogo fela, maikaelelo a mangwe ke go tsweledisa segagabo ka a se rata bobe.

    O ikgantsha ka gore o na le baja-boswa jwa kitso e, ka jalo e tlaare le motlhang a hularang ditlhokwa di tla mo robalela ka a tla itsamaela a setse a segile tema.

    A re morwadie e leng Mme Phatsimo Nnanaakoko ga mmogo le ngwana wa ga Phatsimo wa mosetsana e bong Katlego Moseki ba amule dikitso tsa gagwe e bile ba dira bontle fela thata.

    Mosadimogolo a re gone le fa go le boutsana mo thekong, wa mariga o a o ora ka bangwe ba a tle ba reke dithoto tse.

    O boletse fa dilwana tsa gagwe di lopa madi go tloga ka P250 go ya kwa godimo. 

    Katlego yo dingwaga tse di masome a mabedi le motso a re o ikaelela go e godisa ka go e bapatsa mo maranyaneng gore e bonwe kwa dikhutlong tse nne tsa lebopo e seng kwa Molepolole fela.

    “Ke batla go bula lebentlele la maranyane gore ke bapatse dinepe le ditshwantsho tsa motshikhinyego tsa dilo tse re di rokang le go supa gore re di thaya jang re bo re wetsa go ntse jang,” ga bua Katlego. 

  • Dikgomo Dingwe di Fitlhetswe ka Dikai tse Dikgologolo tsa Tlhako le Molomo

    Dikgomo Dingwe di Fitlhetswe ka Dikai tse Dikgologolo tsa Tlhako le Molomo

    Dikgomo dingwe di supile dikai tse dikgologolo tsa bolwetse jwa Tlhako le Molomo mo kgaolong ya Good Hope.

    Se, se builwe ke Motshwarelela Tona wa Lephata la Lefatshe le Temo Thuo Dr Edwin Dikoloti fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Digawana ka Laboraro.

    A re seemo, se ngomola pelo ka gore se supa fa barui bangwe ba ntse ba beile dikgomo ba sa di tsise fa pele ga bakenti go di tlhatlhobela bolwetse jwa Tlhako le Molomo, ntswa di ne di supa dikai.

    Ka jalo, o rotloeditse barui gore ba seka ba dira masaka a bone phitlhela-kgomo-ya-serotswana mme ba gollesega go bitsa bakenti ka seo, se ka thusa fela thata go laola kanamo ya bolwetse jwa Tlhako le Molomo. 

  • Banni Ba Tobera Ba Ikuela

    Banni Ba Tobera Ba Ikuela

    Banni ba Tobera ba ikuetse mo go Mothusa Tautona Rre Ndaba Gaolathe ka dilelo tsa bone tse di akaretsang go utswiwa ga dikgomo tsa bone tse ba reng di utswiwa ke batho go tswa mafatsheng a a mabapi, seemo se se sa itumediseng sa tsela ya Mohembo-Gudigwa le tse dingwe.

    Banni ba ne ba lekodisa Mothusa Tautona matshwenyego a bone ka Matlhatso pele ga go ribololwa ga Baebele ya teme ya Khwedam ya morafe wa Bakhwe o o fitlhelwang mo motseng oo.

    Tobera ke motse o o kwa moseja ga Noka ya Okavango o go fitlhelwang morafe o tshwana wa Bakhwe le wa Bambukushu, mme e bile o sena ditlhabololo tse di kalo ntleng le diofisi tsa kgotla le sekolo sa motshameko sa bana ba bannye.

    Mongwe wa banni ba Tobera Rre Jesi Segole a re bogodu jwa dikgomo jo ba tlhalosang fa bo dirwa ke batho ba ba tswang lefatsheng la Zambia, bo ile magoletsa mo motseng wa bone, a re seemo seo se ba baya ka fa mosing ka leruo e le lone le ba itshetsang ka lone e bile a re bogodu joo bo baka poifo mo morafeng.

    Rre Segole o buile gape gore e le Bakhwe ba kopa gore ba busetswe dithata tsa go tsamaisa tiriso ya lefatshe la bone, a re seo se ka thusa gore ba babalele di-tsa-tlholego ka e le ntlha ya ngwao ya bone.

    Fa a ba kgwa kgaba, Mothusa Tautona o ba boleletse fa a utlwile dilelo tsa bone jaaka bogodu jwa leruo, letlhoko la diofisi dingwe mo motseng jaaka kokelo, le letlhoko la didirisiwa tsa ba sepodisi mo motseng wa bone.

    Le fa go ntse jalo Rre Gaolathe o ne a ba netefaletsa gore le bone e le ba letso la Bakhwe ba se inyatse ba re gongwe ba lebalesegile le ntswa ba na le matshwenyego ao. A re bone e le baeteledipele ba lefatshe ke barongwa fela, mme setshaba ke sone se nang le thata ya go tlhopha le go ntsha baeteledipele.

    Ka jalo Rre Gaolathe o ne a re baeteledipele ba ka kgona fela ka tshwaragano le setshaba go lwantsha diemo tsotlhe tse di apereng lefatshe go sa supanwe ka monwana.

  • Go Tshegetsa Ngwao Go Ne Go Thusa

    Go Tshegetsa Ngwao Go Ne Go Thusa

    Go tswa goo lowe, Motswana e ne e le motho le temo thuo. E re ntswa karolo e ya temo e ne e le sone seikokotlelo segolo sa motswedi wa dijo, go ne go na le meila.

    Bagologolo ba ne ba dumela gore ngwana fa a sa loma thotse ya molomo, o felela a sa tsoge ,  matsapa di a tsete kae. Ka jalo, setlhopha sa BOPA sene sa buisana le Rre Rex Masegwana wa kwa Molapowabojang go tlhalosa ka thotse ya molomo, e bangwe ba dumelang e le yone molemo wa go tila kgang e.

    A re maloba jale, e ne e re fa go lemilwe, ka Firikgong motsadi a kgaole lekatanyane la ntlha kwa tshimong, a le thube a bo a tshase bana mo mehubung ka go tlhatlologana ka dingwaga  mme e re morago a ba ngathise.

    Se, a re se ne se direlwa go hema gore ngwana yo monnye a seka a tseela yo motona tlhaloganyo. Rre Masegwana yo a fetileng ka thulaganyo e, a re mo nakong ya gompieno e nyeletse ka tsa kwa masimo di setse di ijelwa nako nngwe le nngwe eseng ka legwetla fela.

    Mme fa go ka dirala phoso, lebutswapele le la re mefuta ya kalafi e, e ne e le mebedi, bangwe ba ne ba ka bitsa ngaka ya setso go tla go baakanya seemo kana motsadi a tseye lekatanyane a le thube ka bogare a bo a le phatlakanya mo tlhogong ya ngwana gore go apoge go nne lesedi.

    Ka tumelo di farologana go ya ka merafe, Mme Mitumbaa Ngatangue wa  Maun a re mo ngwaong ya Seherero ga ba na moila wa go loma ka tota bone e le batho le thuo mme go lema ba go tseneletse fa gare. A re bone fela fa tsa kwa tshimong di budule ba letsa leino .

    Fa kwa Dagwi, Mme Baby Chipani yo o ngwaga di masome a robabobedi le bone, a re mo ngwaong ya Sekalakala, molomo o gabedi. A re ene, e ntse e le mogolo o loma kwa ga Ntogwa kwa go a bong go kopane mawosana (batho ba ba kopang pula kwa ga Nwali).

    Mme Chipani, a re ngwaga o, ga a a loma, mme go tlhoka go dira jalo go mo tsentse bokoa. O tlhalosa gore bokopano jo bo direlwa kwa Ramokgwebana kwa mawosana le bao ba ba tlaa bong ba ba boledisetse ba kopanelang teng mme mongwe le mongwe o tla ka se a se lemileng. A re fa o sa lema o ka reka go le gobedi, goraro mme fa ba tsena kwa lefelong leo, tsotlhe tse ba tsileng ka tsone di a kgobokanngwa di neelwe baapei ba tswakanye le melemo ya Setswana.

    A re jaaka a ne a seka a tsenelela moletlo o wa go loma  go setse go mmaketse bokoan, kalafi ke gore a ye kwa go mongwe wa baeteledipele ba a kaileng fa ba le kwa mafelong a a farologaneng a ye go mo alafa.

    E re le fa go ntse jalo, morafe o wa Bakalaka o na le ngwao ya molomo wa bana, o Mme Chipani a kaileng o direlwa gore bana ba tie. Thulaganyo ya Sekalaka e farologana le ya Sengwaketse ka a tlhalosa gore ba kgetla matlhare a lerotse, a silwe bana ba tshasiwe mo ditokolong. A re fa gongwe, pele go ka jewa, fa go nna le sengwe se se jelweng ke mothwa mo tshimong, e ka tswa e le mmidi kana sepe hela se a tseewa se lomisiwe bana go ba hemela gore ba seka ba lwala le gone go gata mowa. 

  • Bogosi Pinagare Ya Setshaba- Motshegwa

    Bogosi Pinagare Ya Setshaba- Motshegwa

    Go tswa go Lowe, bogosi ke pinagare ya setshaba ka jaana le motheo wa go tsamaisa lefatshe o agetswe mo go jone, ka jalo, bo tshwanetse go tlotliwa, mme ebile go sa kgoreletswe ditsamaiso tsa ditlhabololo tsa sesha.
    Seo, se builwe ke tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa, jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla mo Ghanzi bosheng, mabapi le seemo sa bogosi jwa motse oo, se se ntseng se sa robalelwa ke ditlhokwa.
    Tona Motshegwa o ne a tlhalosa fa bogosi jwa Ghanzi bo tlholegile e le jwa Setswana mme morago jwa fetolelwa kwa go jwa sekgoa ka fa tlase ga tsamaiso ya boeteledipele jwa setoropo.
    Le fa go ntse jalo, Rre Motshegwa o ne a supa fa ba ne ba amogela boikuelo jwa banni ba Ghanzi, kgang kgolo e le kopo ya gore puso e fetole tshwetso eo, go busetswe bogosi jwa Setswana.
    A re mabaka a bone a ne a ikaegile ka go sireletsa ngwao ya setswana mo motseng wa bone, e ba neng ba dumela e nyelela ka monokela.
    O ne a tlhalosa fa goromenete a ikemeseditse go sireletsa ditshwanelo tsa batho gammogo le go rotloetsa therisanyo.
    Rre Motshegwa a re ba ne ba ntsha lekoko la magosi a le mararo le le neng la filwe boikarabelo jwa go buisana le morafe ka kgang ya bogosi le gore ba eletsa e ka nna jwa sebopego se se ntseng jang.
    A re tiro e, e tsamaile ka bonokopila le manontlhotlho le mororo go seke go tlhokafala dilabe.
    Rre Motshegwa o ne akgola lekolo leo, le le neng le akaretsa, Mothusa Kgosi wa Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi,Kgosi Thabo Mathiba wa Mmathethe, Kgosana wa Otse Omphitlhetse Mphaphi,ba tshwaragane le ba lekgotla la Ditshwanelo .
    A re therisanyo eo, e ne ya simolola kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a ferabongwe go ema e le malatsi a le lesome le boraro monongwaga.
    Rre Motshegwa o ne a iteela kobo moroko mafoko a lekoko leo, ka go gatelela tshwetso ya gore boeteledipele jwa bogosi jwa Ghanzi bo tla nna jwa Setswana, ka fa tlase ga boeteledipele jwa lwapa loora Thamae, e le ba letso la Basarwa, mme bathusi ba bone e tla nna boora Setima e le ba letso la Bakgalagadi, e le maemo a tla jewang boswa otlhe. A re maemo a kgosana one, a tla nna a a tlhophelwang go tswa mo merafeng e mengwe e mo motseng.
    Rre Motshegwa o ne a ikuela mo morafeng, go fokotsa dikubetsano tsa maemo a bogosi, ka jalo, a ba gwetlha go kwala ditso tsa merafe gammogo le dikgotla tsa bone mme di bo di rurifadiwa mo lekgotleng morago ga go buisana le morafe ka kakaretso.
    A re seo, se tlaa thusa go menagane go itsa ketsaetsego ya tatelano ya maemo a bogosi mo isagong.
    Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Moemedi kwa ntlong ya Dikgosi, Kgosi Esau Molehele, o ne a amogela tshwetso ya tharabololo ya kgang ya bogosi mo sebakeng sa kgwedi tse tharo, tshwetso e a supileng e sa bolo go goga dingwaga go sena nko e tswang lemina.
    A re morafe o ne o le kgatlhanong bogosi jwa setoropo jaaka ba ne ba dumela gore bo a ba patika go tsosolosa le go somarela ngwao ya bone, a supa fa ba na le tshaimaelo jananong ya go tsosolosa serodumo sa dingwao tsa bone ka tshosologo.
    Morafe o ne wa itela legofi tshwetso e e tserweng mme ba rurifaletsa tona fa ba tla tshwaraganela go bopa le go dibela se ba sa bolong go se eletsa.
    Mo mafokong a gagwe a malebo, Modulasetilo wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Thabiso Kebadile, o ne a iteela legofi tshwetso a re e tlaa nonotsha kagiso le ledula mo motseng wa bone. O ne a gwetlha morafe go nna seopo sengwe, ba kgaphele kwa thoko dipharologanyo tsa semorafe mme ba amogele tshwetso ya puso ba dibele bogosi jwa bone jwa Setswana mme gape ba tshwaragane le makgotla a mangwe a tsamaisang puso.

  • Kgosi Seretse o Kopa Morafe go Rotloetsa Mophato

    Kgosi Seretse o Kopa Morafe go Rotloetsa Mophato

    Bangwato ba rotloeditswe go amogela tsosoloso ya mephato.

    Se se builwe ke mothusa kgosi ya Bangwato, Kgosi Seretse Peter Khama kwa phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye ka Labotlhano.

    Kgosi Seretse o tlhalositse fa Kgosi Khama IV a tla bolotsa mephato e le mene Motsheganong a tlhola letsatsi, mme o gorosiwe a tlhola gararo.

    Ka jalo, Kgosi Seretse mephato e tla akaretsa batho ba ba tshotsweng mogare ga dingwaga tsa 1991 le 2010. Mme o rotloeditse botlhe ba ba nang le keletso ya go ya mophatong,go ikwadisa kwa dikgotleng mo dikgaolong tsa gammangwato.

    Kgosi Khama a re mephato e tla bolotswa e le mene ka gore go tsere sebaka go sa bolotswe mophato ka mabaka a a rileng. A re ka tshwanelo mephato e siana ka dingwaga di le tlhano a tlhalosa fa maikaelelo e le go tsosolosa ngwao le go bopa setshaba.

    Mongwe wa baeteledipele ba thulaganyo ya mephato, Rre Martin Seretse o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go ya mophatong.

    O kopile batsadi gore ba neela bana mefago le di dirisiwa tse dingwe, mme o gateletse gore ba banang le dingwaga tse di kwa morago, mme le bone ba a letlellwa go ya mophato o o tlaa bololang. 

    A re ba laleditse ba sepodise, baruti, bogakolodi le ba tshidilo maikutlo le ba-na-le-seabe ka kakaretso go tla tsaya karolo kwa tirong eo. 

    Monni mongwe wa Mahalapye, Rre Basimolodi Maute a re pele mephato e ne e sa bolotswe fela, ka go ne go nale thulaganyo e e faphegileng.

    Mme Phillipine Mokubung ene o kopile Kgosi Seretseg gore ba gagamatse kgang ya dinako tsa diphitlho gore di dirwe phakela thata. Mme Mokubung gape o supile matshwenyego ka kapari ya bomme kwa dintsho a kopa gore go rotloediwe banana ka go tlotla loso. 

  • Safflower e Bogadi Bogaufi

    Safflower e Bogadi Bogaufi

    Fa go na le sejalo se se tshwanetseng go rotloediwa ke Safflower ka se na le bokgoni jwa go itshwarelela mo maemo a bosa a a sa iketlang, gape se ditiriso dintsi e bile se le bogadi bo gaufi.

    Seno se boletswe bosheng kwa Mahetlwe ke Moitseanape wa tsa temo kwa sekolong sa ithutela dithuto tsa Temo-thuo sa Botswana University of Agriculture and Natural Resources (BUAN), Professor Vallantino Emongor. Prof. Emongor a re Safflower e ka dirisiwa ka mekgwa e farologanyeng, jaaka go dira mafura a apayang, ditlolo, dipilisi, tee le dijo tsa leruo 

    O tlhalositse gore mo bekeng tse nne go ya kwa go tse thataro, matlhare a Safflower a ka dirisiwa jaaka morogo, medi e ka omisiwa ebo e silwa go dira molemo fa dithunya tsa teng di thusa go laola malwetse a tshwanang le jwa sukiri, madi a matona, a amanang le pelo le go thuba bothole mo mading a mmele.

    Prof. Emongor a re go botlhokwa go inaakanya le temo ya Safflower ka gore ke motswedi wa go dira dikgwebo ka go farologana tse di ka tokafatsang itsholelo ya malwapa. O kaile fa ekere ele nngwe ya temo ya Safflower e ntsha thobo ya ditone tse nne tsa peo e ka dirang dipoelo tsa P1.2 million.

    O supile fa go le botlhokwa gore balemi ba ikopanye ka gantsi go rekisa kwa ntle ga lefatshe go batla selekanyo se se kwa godimo sa dithoto. A re mo bogompienong lefatshe la Amerika le batla go rekisitswa ole ya safflower ka US$30 litara ka jalo go tlama balemi gore ba ikopanye go fitlhelela selekanyo se se batlegang.

    Fa a tlaleletsa mafoko a ga Prof Emorgor, Rre Bamphitlhi Tiroesele, le ene a tswa kwa BUAN a re mahura a safflower a na le tatso ee rileng, lenko le le boleng, dikotla gape boleng jwa yone bo tshwana le jwa mahura a motlhware (olive oil)

    Rre Tiroesele a re mahura a Safflower ga a gatsele, a ka dirisiwa go apaya, go nowa, go fokotsa mmele gape a siametse pelo. A re karolo nngwe le nngwe ya Safflower e mosola, a tlatsa ka gore moroko o o salang fa go tlhotlhiwa mahura wa jewa.

    Rre Tiroesele a re o ka dirisiwa jaaka sejo sa go fitlhola, a tlatsa ka gore gape o na le menontshane e e kwa godimo fa o dirisiwa jaaka sejo sa diphologolo. A re morago ga go photlha, letlhaka la safflower le ka dirisiwa jaaka sejo sa diphologolo. 

    “Go ka se nne le lehuma fa re ka fetola megopolo ya rona,” ga tlhalosa Rre Tiroesele.

    Mogolwane wa ofisi ya temothuo mo kgaolong ya Kweneng, Mme Motlakatlala Thukwi o tlhalositse fa maikaelelo magolo e le go tsibosa balemi ka temo ya Safflower, go rotloetsa balemi go dira temo e le kgwebo le go tsaa malebela mo mo baleming ba bangwe. A re balemi ba tshwanetse go itse metlhale ya go somarela thobo, gore ba kgone go nna le peo e tla dirisiwang mo pakeng ya temo e latelang.

    Molemi wa Mahetlwe gape e le mogwebi wa tse di dirilweng ka Safflower, Rre James Taunyane o ne a dirisa letsatsi le go supegetsa balemi ba bangwe tiriso ya Safflower ka go farologana. Rre Taunyane o ne ruta balemi ba Mahetlwe go tlhotlha mahura go tswa mo peong ya Safflower le go ba supegetsa tse a di dirang ka Safflower. 

    O tlhalositse gore tse a di dirang ka Safflower di tlhomamisitswe boleng ke lephata la dipatlisiso la National Agricultural Research and Development Institute le go tlhomamisa gore di ka dirisiwa ke setshaba. Rre Taunyane o kopile balemi go tshwaragana gore ba kgone go gola.

  • Barutabana ba Borwa ba Ipelela Phenyo

    Barutabana ba Borwa ba Ipelela Phenyo

    Barutabana ba sekole se segolwane sa Borwa Junior Secondary mo Kgatleng, ba akgoletswe go bereka ka natla, go bo sekole sa bone se dikile se dirile sentle thata mo ma duong a Junior Secondary ka ngwaga wa 2025.

    Mo moletlong wa go lemoga tiro ya barutabana wa dietsele, dijo le dino, mogokgo wa sekole Mme Thatayotlhe Motswagothata o boletse fa go feta seelo sa kgaolo sa 40 per cent se ba neng ba se beetswe, ele maduo a go dira ka natla le go itlhora boroko ga barutabana.

    Mme Motswagothata a re moletlo wa go lemoga barutabana o botlhokwa thata mo dinakong tsa gompieno tse go tsholediwa maemo ma ditirong go seng bonolo.

    A re ele barutabana ba Borwa ba bone gore ba iteboge gore ba tswelele ba tokafatsa maduo a tsweletseng ka go wela tlase lefatshe ka bophara.

    “Ke tsaya nako e go le leboga ka jaana ga go na se ke ka le se direlang, mme gore re bo re kgobokane fa go itumela, ke yone tebogo e kgolo e ke ka e kgonang, A re tsweleleng go bopa bana mmogo,” ga buwa jalo mme Mootswagothata.

    Moeteledipele wa dikole tsa Dawn Bell Academy, Mme Ndiko Muzila ene o rotloeditse barutabana gore ba seka ba tsenwa  ke boitlhobogo, ka fa tlase ga diemo tse di bokete tsa itsholelo, le gore ba eteletse Modimo mo go tsotlhe.

    Mme Muzila o boletse fa go ruta bana ba ba tswang kwa malwapeng a farologaneng go se bonolo, mme a lebogela popagano ya barutabana le go dira ka natla.

    O ne a abela sekole mpho ya P10 000 gore ba ithuse mo go tse di tlhokwang, a ba a solofetsa fa atla nna a ba tela go iponela le go lemoga dikgwetlho tse ba di ralalang,

    Kgosi ya Bokaa, Kgosi Sue ene o boletse fa ele sekao sa dialogane sa sekole sa Borwa, mme a bolela fa sekole se se tsweletse ka go iteka go dira bontle.

    Le ene o ne a opela barutabana legosi a re ba tswelele ba dira ka natla. Sekole sa Borwa se dikile se fetile seelo sa 40 per cent (pass rate) mo matshwaong a A, B, le C a baithuti ele selo se se neng se beetswe kgaolo ya thuto ya Kgatleng.

  • Mopalamente o Abela Sekole sa Kathiana Mahunga

    Mopalamente o Abela Sekole sa Kathiana Mahunga

    Mopalamente wa kgaolo ya Okavango bophirima Rre Kenny Kapinga o abetse sekole se se botlana sa Kathiana Mahunga sa motse wa Shakawe diboto (white boards) tse di lesome e le tsela ya go thusa mo matlhokong a sekolo seo. Fa a amogela dimpho kwa sekolong seo ka Laboraro, mogokgo wa sekolo Mme Oweditse Rammokolodi o lebogetse thuso ya diboto tseo a re di arabile dingwe tsa dilelo tsa bone.

    O tlhalositse fa sekolo seo se dira bontle fela thata mo dithutong ka se fentse ka matshwao a 85.4% mo maduong a lekwalo la bosupa mo ngwageng o o fetileng, a re seo se dirwa ke go bo barutabana ba ititaya ka thupana go ntsha maduo le fa ba nale dikgwetlho tse di farologaneng.

    A re sekole seo se nale tlhaelo ya matlo a borutelo mo baithuti bangwe ba rutelwang ka fa tlase ga ditlhare. 

    A re letlhoko le lengwe ke la didirisiwa jaaka diboto, ditilo le dibuka ga mmogo le tlhaelo ya matlo a barutabana, se se pateletsang gore bangwe ba nne mmogo mo matlong.

    Mme Rammokolodi o supile fa mo nakong eno sekolo seo se na le baithuti ba le 1 065, palo e e akaretsang setlhopha sa bana ba thuto e e kwa tlase ga lekwalo la ntlha ya pre-school education. Mopalamente Rre Kapinga o ne a tlhalosa fa a ne a gwetlhega go batlela sekole seo dithuso ka se dira bontle thata mo maduong.

    A re o ne a kopa dithuso tsa diboto mo mookameding mogolo wa kompone ya lebenkele la Choppies mme a atlega. 

    O tsweletse a re thuto e botlhokwa ka e le yone boswa jwa bana jwa sennelaruri, ka jalo a gwetlha batsadi gore ba se gane fa ba kopiwa dithuso dipe fela ke baeteledipele ba sekolo, a a fa sekai ka dithuso tse di tshwanang tsa madi go tokafatsa thuto.

    Mopalamente Kapinga o ne a re seemo sa mathata a tsa madi a lefatshe le letlhoko la ditiro ke dilo tsa nakwana tse di sa tshwanelang go ka kgoba marapo, a re thuto e bulela bana dikgoro tsa ditiro tse di farologanyeng mo isagong.

    Fa a leboga, modulasetilo wa khansele ya Okavango Rre Gaopalelwe Ronald o ne a re ba-tsaya-karolo ba botlhokwa mo mererong ya tsa thuto ka puso e ka se kgone e le esi. 

    O ne a leboga Rre Kapinga go bo a tsentse letsogo go thusa sekolo seo.

    Rre Ronald o ne a re batsadi, baeteledipele le ba makalana a a ikemetseng ba tshwanetse go tshwaraganela thuto.

  • Ramogapi o Itumelela Tswelelopele

    Ramogapi o Itumelela Tswelelopele

    Tona wa metsi le bonno Rre Onneetse Ramogapi a re o itumeletse ka fa tiro ya Bonno National Housing Programme e tsweletseng ka teng mo Palapye. O buile se ka Labotlhano jaaka fa a ne a etetse mafelo a go agiwang matlo a lenaneo le kwa Extension 7 le Extension 11 a go neng ga supega fa mangwe a one a setse a fedile fa a mangwe a le mo dikgatong tse di farologaneng tsa kago.Rre Ramogapi a re ntswa go na le dikgwetlho tse di farologaneng, go na le tema e e bonalang mo lenaneong le. O ne a supa fa puso e ipeetse seelo sa go aga matlo a le 100 000 mo dingwageng tse tlhano, mme maikaelelo a lenaneo le e le go hema letlhoko la boroko jwa bodiredi le bonno jwa Batswana.Ka jalo a re fa go senang dikgwetlho tse di amanang le tsa lefatshe, lenaneo le tsweletse. O ne a supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba utlwe dikgang tsa lenaneo le e le tsa boammaruri jaaka fa a tsweletse a lekola a bo a ba neela boammaruri jo bo leng teng.Mo bokopanong jwa gagwe le ba-na-le seabe, Rre Ramogapi o ne a ba kopa gore ba tsholetse dinao gore puso e fitlhelele maikaelelo a yone. O ne a ba kopa gore ba nne le bokopano kgapetsa kgapetsa go lekodisanya dikgang tsa lenaneo gore di tsamaya fa kae.Gape o ne a ba kopa go kopanela dikgang di tshwana le tsa Secure Land Title tse go lebegang e le tsone di dirang gore lenaneo le tsamae ka bonya. A re mo motseng wa Palapye go na le bangwe ba bagwebi ba ba emetseng go simolola dikago tsa lenaneo le mme go na le tiego ntateng ya Secure Land Title, a supa fa ba na le seabe ba tshwanetse ba e tsibogele gore bagwebi ba simolole tiro.Mogolwane kwa Botswana Housing Corporation (BHC) Professor Selina Busang o ne a tlhalosa fa matlo a a tsweletseng kwa mafelong a Extension 7 le 11 a le masome a matlhano le bongwe 51 mme a le mo go 58.7 per cent go fela.O supile fa matlo a a ne a ka bo a setse a le mo karolong e nngwe e e kwa pele ya kago mme a ne a kgorelediwa ke dipula tse di neng tsa na ka bontsi mo Palapye bosheng. A re ka tshwanelo, dikago tse di tshwanetse di bo di weditswe mafelo a kgwedi ya Phukwi e fela. Kgosi Martha Lebang wa Palapye o ne a supa fa a itumeletse matlo a mme se e le nngwe ya ditlhabololo tse di tla a tsosang motse wa Palapye. A re Palapye ke motse o o golang ka lebelo le le kwa godimo ka jalo ga go a tshwanela gore go nne le letlhoko le le tshwanang le la boroko.Kgosi Lebang a re ntswa bangwe ba ne ba na le dipelaelo ka matlo a, o rurifatsa fa a le teng a tsweletse e bile mangwe a one a fedile fa a mangwe a tloga a fela.